Tuks Senganga - 525 600 minutes lyrics

Published

0 8001 0

Tuks Senganga - 525 600 minutes lyrics

Five hundred twenty-five thousand, six hundred minutes Five hundred twenty-five thousand moments so dear Five hundred twenty-five thousand six hundred minutes How do you measure, measure a year In daylights, in sunsets, in midnights, in cups of coffee In inches, in miles, in laughter, in strife Verse 1 Legong o robegelang? Legong o sale metsi ntlogele ke go oke ke santse ke go belege mpepu Sedimonthole o re jele, Ntlapele Ferikgong ke a lela O le teng tota ke swelang senku O Phukalala le dintshu Go a sha go a fisa, botshelo lefatshe tlhase legala tshutshu Malwetse a bala dikesi Babolai ba e meta ka gore ba tseile bale bakae Nxxae! re lla le wena, botlholagadi ga se motlae O ka tswa o le monyebo-motelela jaaka jara But o tlhaela boitumelo jaaka Tlhakole a tlhaela malatsi mabedi Amogela madi seatla molomo kgwedi le kgwedi Diura , Metsotso, disekonte e se kgale ke tlo e bala ka diponto O e meta fa go rileng. kapa fa e padile jaara boela mosimeng,senyeletse Selemo se retisa sematsatsa Chorus 2 Five hundred twenty-five thousand, six hundred minutes Five hundred twenty-five thousand journeys to plan Five hundred twenty-five thousand six hundred minutes How do you measure the life of a woman or man Verse 2 What? Ke se se bona kae? ke se bona mo motsamaong wa gago Tantabela hela, tlhoka-ina ga na ga semelela sela kae le kae Boroko ke ba tlhogo, potso ke gore ke tla tsoga ke hema Ke mo mileng go koloi Go sephethepethe O mpona boferefere Mme Ke semere letshwao, lare "No food, No Job Please help" Wena wa re "You no good, you are a flob, go to hell" Wa bona.. Malatsi a me a tletse letlhoo Kutlobotlhoko le maano a gananang Lebaka legolo ke metang Ngwaga ka lerato le ke le amogelang Le tshepo e ke e bonang A kere re lebetse Modimo (rotlhe) A kere 'fifi le go aparela ka bonako Like, selemo sa mariga a Seetebosigo O siela kae gonne gotlhe re tletse bosilo (re tletse bosilo) Chorus 2 Five hundred twenty-five thousand, six hundred minutes Five hundred twenty-five thousand journeys to plan Five hundred twenty-five thousand six hundred minutes How do you measure the life of a woman or man Verse 3 Ga se magatwe, go thata ya mangana a phage Setsuatsue sa Phatwe Se le tsa fa Se le ba ya kwa Ke sala ke eme O sala o botsa nare dieman o ne a ja Kae, le mang goreng jang a sa wa Ga la utlwa, ditlamalwana dikae Marudi ao a tla le pula Dula o e mete, ke kgaratlhela gore fa e kolomela Boediidi bo korobela Ke bo ke bososela Matsatsi fa a phirima Bosigo balotsana ba go tsimola Bososela, jara mosi wa tsela O lebile kae, fa e se wena ke botsa sefela "o timela jwang" Legong o robegelang? Legong o sale metsi ntlogele ke go oke ke santse ke go belege mpepu Sedimonthole o re jele,Ntlapele Ferikgong ke a lela O le teng tota ke swelang senku Ke mo mileng go koloi Go sephethepethe O mpona boferefere Mme Ke semere letshwao, lare "No food, No Job Please help" "You no good, you are a flob, go to hell" Ga se magatwe, go thata ya mangana a phage Setsuatsue sa Phatwe Se le tsa fa Se le ba ya kwa Ke sala ke eme O sala o botsa nare dieman o ne a ja Chorus Five hundred twenty-five thousand, six hundred minutes Five hundred twenty-five thousand moments so dear Five hundred twenty-five thousand six hundred minutes How do you measure, measure a year In daylights, in sunsets, in midnights, in cups of coffee In inches, in miles, in laughter, in strife Repeat Chorus 2 2x In daylights, in sunsets, in midnights, in cups of coffee In inches, in miles, in laughter, in strife Repeat Chorus 2