A1 Keys - Tsogo Ya Motswako lyrics

Published

0 91 0

A1 Keys - Tsogo Ya Motswako lyrics

Nas o go latotse Ke kwala jaana ke go gopotse A mafoko a me a go kgome pelong a go tsose Ke ikanne gore hao swa le nna kea ikepela Maybe thats why im stuck underground bokete jwa lefatshe bo nkimela O wa pelo yame, ke go filwe ke dinaledi pele di ribela Jaaka Ke go tsosa baswing kopa o shebe nna fela Ke leng kere kea ipuelela o gana go nkemela Tsoga, tsoga, Tsoga o nkutlwe Tsoga, tsoga, tsoga mo baswing O nkutlwe motswako mokapelo Tsoga tsoga tsoga o nkutlwe Tsoga tsoga tsoga mo baswing O nkutlwe mafoko a lorato ke botshelo Ke bua ke sa shename O santse o le motle matlhong ame Pele o latolwa o jotse le bo tinto, ba go sotla ba re o sediba sa Morafhe Ba tsena ba tswa re lebetse le gore bangwe ke bafe Ba go itseela one night stand ba sa go rate Ba go fetsa monate Now le weleseng ba go shema ga ba go batle Mme nna ga ke go bone molato, phoso ke ya batho Ba go batlela tumo le masheleng ga bana lorato Tsoga, tsoga, Tsoga o nkutlwe Tsoga, tsoga, tsoga mo baswing O nkutlwe motswako mokapelo Tsoga tsoga tsoga o nkutlwe Tsoga tsoga tsoga mo baswing O nkutlwe mafoko a lorato ke botshelo Ke kwala from my heart, ke bua tsa pelo Kana moribo wa gago o mpha boipelo Melodi ya gago e mpha botshelo Lorato la me for you never le ka swa Tladi ratha kwa ga Mmê ha nka go tshwara botlhaswa Ke go ratile o le botshelong Now o iketse badimong ke mo thaelong Ka pina e ke tlh*mola matlhoko pelong, tlhaloganyo e mo poifong Pelo robala, se go ganang se go inola merwalong Nxae! Eli tswaa fela mo dilong Tsoga!