A1 Keys - Pheko lyrics

Published

0 282 0

A1 Keys - Pheko lyrics

Lefoko la-me le sutisa dithaba Tlhaba mokgosi ka rhyme ke phutha dichaba This a gift and a curse jaaka sebaga Sa lorato se tla ka dikgaba Moroka wa go ikoka Senesa-pula; ke maru a dusa Motswako o-na ke pheko ya pula Ke thuntsha poko ya tshela tsatsi le penne tladi e amusa Magodimong baboki ke bone baja-boswa The meek too; baitsi dikwalo ba tlo busa Tse tsotlhe di tla diragala, le science ga e kake ya thusa Tsotlhe di ithulaganya le nakana la nako Ke sirolla pelo yame go kwala ena metswako Mafoko a ntlele bonolo jwa marothodi a pula ya medupi Ke rulaganye di-rhyme ke loga bobi Ga ke moitsaanape ke sale ngwana bokoweng; ke moithuti Ke leka go le fa gotlhe ka lorato, le Modimo ke mosupi Ka jalo le metswako ena e tla tshelela ruri Voo Doo Raps ke tshilo ya mafoko; kika e tletse ka muti Ga se poko, ke pheko Ya go tsosa baswi; sephiri sa balaola taola le baruti Ga se motswako ke pheko, kea phekola Kgetsana ya bola E tla ka Mmualebe, ledingwana le sa bofwa melomo e itaola Ke a laola, Ka ke mmetla taola Kea kgaola, kea lesa; reekane ya Tafita mokaloba kea mo f*gola Wrath of God; Le magosi a ka se ka a falola 'Mafoko oa tsaya kae?" - Khupamarama ke swa le yone le ka mpapola Le Ponto Pilatwe a ka ntlhapela diatla, lotlhe la intatola Ga le nkutlwi! Ke bua teme tsa sedimo, bo Mankge ba tla ranola