A1 Keys - Mmino wa mafoko lyrics

Published

0 253 0

A1 Keys - Mmino wa mafoko lyrics

(Hook) Mmino wa mafoko Mmino wa mafoko Mmino wa mafoko Mmino wa mafoko Sticky malabula kea kgomarela Letlotlo la metswako kea somarela Never ba ntshwara theledi kea relela Tlalo le borethe noga kea lelemela Tlhaga ka phatlha tsa menwana le o ka huparela Tletse bonyora ke tsena ke nanabela Motswedi o sa kgale-rhyme kea tshologela Lefoko metsi a botshelo dula ke elela Ga ke diri tsa tlwaelo botaki kea rebela Godimo-dimo mankaleng kea pagamela Ke itlhomile ko pele-pele kea semelela Lefatshe le ka khutla fela le nkare kea ba emela Motswako ntlo seagwa ka ditshipi ntle kea ba tswalela Ke tlhomilwe ke magodimo ka ne go tshwanela Baruti ba lefoko ba nkolobetsa ka dumela Ngwana a filwe bokgoni rhyme a ka go di alela Jaaka phate le lemapo a kokotela Motswako a go kwalela go fitlhela mafoko a felela Seraleng sa bodiragatsi re opela (Hook) Mmino wa mafoko Mmino wa mafoko Mmino wa mafoko Mmino wa mafoko