A1 Keys - Boloi lyrics

Published

0 243 0

A1 Keys - Boloi lyrics

Baloi Ga se motswako ke motitielo wa tlhare tsa baloi (Boi) Mere ya go rongwa batlhabani ba senang tshika ya bo-boi (Makhoi) Kitso ya mafoko ke go itse taola; matlhale a Basarwa MaKhoi (Bantlhoi) Pen mightier than a sword ke ganyaola baba bame le bantlhoi (Nyoloi) Ke sedimosa toro tsa maTimone a lwana le Manyoloi (Lephoi) On the mic Ke gonka jaaka tshetlhana ya dikgwa, phukalla jaaka lephoi (Teme) Ke toloka diteme (Time) Pina tsa basalagae mollo o se time (Galephirime) Motswako o-na ke galephirime (Kgakala) Ke Mere ya go epswa kgakala (Sikalla) Loleme la-me ke sikalla (Magala) Hupa tedu ke kgwa magala (Phogwana) Mo-na ke boloi jwa go digela ngwana phogwana (Mebala) Ke dibeela, dinala, Tsa phiri e thata go bonwa le phofa tsa phikoko e senang mebala (Metlhala) On these tracks ha ke gatoga ga go sale metlhala (Sala) Try follow me oa timela oa sala (Molala) Mo-na ke legaga la tshameko ya mafoko, ha o sena bokgoni o kgaolwa molala (Tswala) Re dikologa mollo kgwedi a pagame re sa tswala (mahala) Re tshameka ka poko, di-rhyme, style sa mahala (Sebeteledi) Where i drop rhymes tse di lefifi la go tshwarisa baruti sebeteledi (Keledi) Ditsia-badimo mathai-thai a go tshollisa ba Engele keledi (pedi) Le matona ba ntshaba lebai-bai ba re ke mokaloba o tlhogo pedi (Naledi) Tselakgopo ke supetswa tsela ke ya masa naledi (Kgomo) I meditate; metswako e ke e kwala makuku a naka tsa kgomo (Bomo) Thulaganyo ya mafoko ke e bona ditorong, ga se dilo tsa ka bomo